YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 5

5
Phodiso ya kwa lekadibeng
1Morago ga dilo tse ga bo go le modiro mongwe wa Bajuta; mme Jesu a tlhatlogela kwa Jerusalema. 2Jaana go na le lekadiba mo Jerusalema, fa kgorong ya dinku, le le bidiwang Betheseta mo puong ya Sehebere, le na le diobo di le tlhano. 3Mo diobong tse ga bo go le bontsi jwa balwetse, difofu, le batlhotsi le ba ba omeletseng, ba lebeletse kgobero ya metsi. 4(Gonne moengele o ne a tle a fologele mo lekadibeng motlha mongwe, mme a kgobere metsi; ke gone yo e leng wa ntlha go tsena, metsi a sena go kgoberwa, a fole, le fa e ka ne e le pobolo efe e e mo tshwereng.) 5Mme ga bo go le monna mongwe teng yo o tshwerweng ke seemera ka dinyaga di le 38. 6E rile Jesu a mmona a namaletse fa fatshe, a itse fa a sa bolo go nna mo popegong e e ntseng jalo, a mo raya a re: “A o rata go fola?”
7Molwetse a mo fetola a re: “Morena, ga ke na motho ope yo e a reng metsi a kgoberwa a ntsenye mo lekadibeng; e a tle e re ke sa ntse ke tla mongwe a fologele pele ga me.”
8Jesu a mo raya a re: “Namologa, o tseye bolao jwa gago, o tsamaye.” 9Monna yo a fola fela ka bonako, a tsaya bolao jwa gagwe, a tsamaya. Jaana letsatsi leo ya bo e le la Sabata. 10 Jalo Bajuta ba raya yo o fodisitsweng ba re: “Go Sabata, ga go a letlelelwa gore o ka tsaya bolao jwa gago.”
11A ba fetola a re: “Yo o mphodisitseng ke ene yo o ntheileng a re: ‘Tsaya bolao jwa gago o tsamaye.’ ”
12Ba mmotsa ba re: “E mang monna yo o go reileng a re: ‘Tsaya bolao jwa gago o tsamaye’?”
13Mme ene yo o fodisitsweng a bo a sa itse gore e ne e le mang; gonne Jesu o na a itsamaetse fela, ka go ne go le bontsi jwa batho mo felong foo.
14Ya re morago ga moo, Jesu a mo fitlhela mo tempeleng, a mo raya a re: “Bona, o fodisitswe; o se ka wa tlhola o leofa, e se re kgotsa se se bosula bogolo sa go wela.”
15Monna yo a tsamaya, a ya a bolelela Bajuta fa e le Jesu yo o mo fodisitseng. 16Bajuta ba tloga ba bogisa Jesu ka ntlha ya gone moo, ba batla go mmolaya, ka a dira dilo tse ka Sabata. 17Mme Jesu a ba fetola a re: “Rre o ntse a dira le gompieno, le nna ke a dira.”
18Bajuta ba gakalela bogolo go mmolaya ka moo, ka gobo ga se gore o tlola Sabata go le gosi, mme le gone a re Modimo ke Rraagwe tota, a itekanya le Modimo.
Thata ya Morwa
19Foo Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, Morwa ga a na go dira sepe ka esi, fa e se se o bonang Rara a se dira; gonne dilo tse o di dirang, Morwa le ene o di dira fela jalo. 20Gonne Rara o rata Morwa, mme o mo supetsa tsotlhe tse o di dirang, mme o tlaa mo supetsa ditiro tse dikgolo bogolo go tse, gore lo gakgamale. 21Gonne jaaka Rara a tsosa baswi, a ba rudise, go ntse fela jalo, Morwa le ene o rudisa ba o ratang go ba rudisa. 22Rara ga a atlhole motho ope, mme katlholo yotlhe o e neetse Morwa; 23gore botlhe ba tlotle Morwa fela jaaka ba tlotla Rara. Yo o sa tlotleng Morwa ga a tlotle Rara yo o mo romileng.
24“Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, yo o utlwang lefoko la me, mme a dumela yo o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a tle mo tshekisong; o dule mo losong o fetetse mo botshelong. 25Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baswi ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo ka lone; mme ba ba utlwang ba tlaa tshela. 26Gonne jaaka Rara a na le botshelo mo go ene ka esi, o neetse Morwa le ene jalo, gore a nne le botshelo mo go ene ka esi. 27O mo neetse thata ya go dira katlholo, ka e le Morwa Motho. 28Se gakgamaleleng mo, gonne lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. 29 Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.
Basupi ba ga Jesu
30“Ga ke na go dira sepe ke le nosi; ke atlhola jaaka ke utlwa; mme katlholo ya me e siame; ka gobo ke sa batle go rata ga me, fa e se go rata ga yo o nthomileng.
31“Fa ke supa ka ga me, tshupo ya me e be e se ya ammaaruri. 32Ke o sele yo o supang ka ga me; mme ke a itse fa tshupo e o e supang ka ga me e le ya ammaaruri. 33 Lo romile kwa go Johane, mme o supile ka ga boammaaruri. 34Tshupo e ke e amogelang ga e tswe mo mothong; le fa go ntse jalo dilo tse ke di bua gore lo bolokwe. 35Ene e ne e le lobone lo lo tukang, lo lo phatsimang; mme lwa rata go itumela ka lobaka mo leseding la gagwe. 36Tshupo e ke nang nayo e kgolo go feta ya ga Johane; gonne ditiro tse Rara o di nneetseng go di wetsa, e bong tsone ditiro tse ke di dirang, di supa ka ga me, fa Rara a nthomile. 37 Le Rara yo o nthomileng o supile ka ga me, lona ga lo ise lo ko lo utlwe lentswe la gagwe gope, le fa e le go bona popego ya gagwe. 38Le lefoko la gagwe ga le a nna mo go lona; gonne ene yo o mo romileng ga lo mo dumele. 39Lo a tle lo fukutse dikwalo, ka lo itlhoma lo na le botshelo jo bo sa khutleng mo go tsone; tseo ke tsone tse di supang ka ga me; 40lo gana go tla mo go nna gore lo bone botshelo.
41“Ga ke amogele tlotlo mo bathong. 42Lona ke a lo itse fa lo se na lorato lwa Modimo mo go lona ka losi. 43Ke tsile ka leina la ga Rre, mme ga lo ntshole; fa o sele a tla ka leina la gagwe ka esi, ene lo tlaa mo tshola. 44Ana lo ka dumela jang, lona ba lo amogalanang tlotlo, mme tlotlo e e tswang mo go o e leng Modimo o o osi, lo sa e batle? 45Lo se ka lwa gopola gore ke tlaa lo baya molato kwa go Rara; go na le mongwe yo o lo bayang molato, e bong Moše yo lo tlhomileng tsholofelo ya lona mo go ene. 46Gonne fa lo ka bo lo dumetse Moše le nna lo ka bo lo ntumetse; gonne o kwadile ka ga me. 47Fa lo sa dumele dikwalo tsa gagwe, ana mafoko a me a molomo lo tlaa a dumela jang?”

Currently Selected:

JOHANE 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy