YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 20

20
Tsogo ya ga Jesu
(Math 28:1-10; Mar 16:1-8; Luke 24:1-12)
1Jaana e rile ka letsatsi la ntlha la beke, Maria Magetalene a ya kwa phupung go le ka maphakela, go sa ntse go le lefifi, mme a fitlhela lentswe le tlositswe fa phupung. 2Foo a taboga a ya kwa go Simone Petere, le morutwa yo mongwe yo Jesu o mo ratang, mme a ba raya a re: “Ba tlositse Morena mo phupung, mme ga re itse kwa ba mmeileng teng.”
3Foo Petere a tswa, a na le morutwa yo mongwe, ba tsamaela kwa phupung. 4Ba taboga mmogo; mme morutwa yo mongwe a sia Petere, a fitlha pele fa phupung. 5Mme ya re a inama a okomela mo teng, a bona matsela a leloba a ntse fela; le fa go ntse jalo a se ka a tsena mo teng. 6Foo Simone Petere le ene a tla a mo setse morago, a tsena mo phupung; a bona matsela a leloba jaaka a ntse fela. 7Letsela le le neng le mo fapile tlhogo, jaaka le sa nna le matsela a leloba, le phuthetswe le le losi fa thoko. 8Foo ga tsena le ene morutwa yo mongwe, yo o fitlheleng pele fa phupung, mme a bona, a ba a dumela. 9Gonne ka lobaka loo ba ne ba ise ba itse lokwalo, fa a tshwanetse go ba a tsoga mo baswing. 10Jalo barutwa ba tloga ba boela kwa ga bone.
Jesu o iponatsa mo go Maria Magetalene
(Math 28:9-10; Mar 16:9-11)
11Maria a bo a eme ka fa ntle ga phupu a lela; mme ya re a ntse a lela, a inama, a okomela mo phupung; 12a bona baengele ba le babedi ba ba apereng bosweu, ba dutse fa setoto sa ga Jesu se neng se le teng, mongwe a le fa tlhogong, yo mongwe fa dinaong. 13Ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelelang?” A ba raya a re: “Ke ka gobo ba tlositse Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng.”
14Ya re a sena go bua jalo, a retologa, mme a bona Jesu a eme, mme a sa itse fa e le Jesu. 15Jesu a mo raya a re: “Mosadi o lelelang? O batla mang?” Mme ene ka a gopotse gore ke mmaakanyi wa tshimo, a mo raya a re: “Morena, fa o mo tlositse, mpolelela kwa o mmeileng teng, mme ke tlaa mo tlosa.”
16Jesu a mo raya a re: “Maria!” A ithetolola, a mo raya ka Sehebere, a re: “Raboni,” ke go re: “Moruti.”
17Jesu a mo raya a re: “Se nkame; gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara; mme o ye kwa go bana ba ga Rre, o ba reye o re, ke tlhatlogela kwa go Rre, le Rraeno, le kwa go Modimo wa me, le Modimo wa lona.”
18Maria Magetalene, a fitlha a bolelela barutwa a re: “Ke bonye Morena;” le jaaka a buile dilo tse nae.
Jesu o iponatsa mo barutweng ba gagwe
(Math 28:16-20; Mar 16:14-18; Luke 24:36-49)
19Jaana ya re go sa le letsatsi leo, e le letsatsi la ntlha la beke, go le maabanyane, go bile go tswetswe fa barutwa ba leng teng, ka ntlha ya go boifa Bajuta, Jesu a fitlha a ema fa gare ga bone, a ba raya a re: “Kagiso e nne le lona.” 20Ya re a sena go bua jalo, a ba supetsa diatla tsa gagwe le lotlhakore lwa gagwe. Foo barutwa ba itumela, ka ba bona Morena. 21Foo Jesu a ba a ba raya gape, a re: “Kagiso e nne le lona. Jaaka Rara a nthomile, le nna ke roma lona jalo.” 22Ya re a sena go bua jalo, a ba budulela mowa, a ba raya a re: “Amogelang Mowa o o Boitshepo; 23 le fa e le bomang ba dibe tsa bone lo di itshwarelang, ba di itshwaretswe; mme ba dibe tsa bone lo di emisang, di eme.”
Go sa dumeleng ga Thomase
24Mme Thomase, mongwe wa ba ba 12, yo o bidiwang Didimo, e rile Jesu a tla, ene a bo a seyo mo go bone. 25Barutwa ba bangwe ba mo raya ba re: “Rona re bonye Morena.” Mme a ba raya a re: “Fa ke sa bone dintho tsa dimapo mo diatleng tsa gagwe, ka tsenya monwana wa me mo dinthong tsa dimapo, ka ba ka tsenya seatla sa me mo lotlhakoreng lwa gagwe, ga nketla ke dumela.”
26E rile malatsi a a 8 a sena go feta, barutwa ba gagwe ba bo ba bile ba le mo teng, le ene Thomase a na nabo. Jesu a tla go tswetswe, a ema fa gare ga bone, a re: “Kagiso e nne le lona.” 27Foo a raya Thomase a re: “Ntshetsa kwano monwana, o bone diatla tsa me; ntshetsa kwano seatla, o se tsenye mo lotlhakoreng lwa me; se nne pelaelo mme o dumele.”
28Thomase a mo fetola a re: “Morena wa me, le Modimo wa me.”
29Jesu a mo raya a re: “O dumetse ka gobo o mponye; go sego ba ba sa bonang, le fa go ntse jalo ba dumetse.”
Maikaelelo a lokwalo
30Jesu a dira ditshupo di le dintsi di sele fa pele ga barutwa ba gagwe, tse di sa kwalwang mo lokwalong lo; 31mme tse, di kwadilwe gore lo dumele fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo; le gore lo bone botshelo mo ineng la gagwe ka go dumela.

Currently Selected:

JOHANE 20: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy