YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 18

18
Go okiwa le go tshwarwa ga Jesu
(Math 26:47-56; Mar 14:43-50; Luke 22:47-53)
1E rile Jesu a sena go bua mafoko a, a tswa le barutwa ba gagwe, ba kgabaganya molatswana wa Kiterone, ba ya kwa go nang le tshimo teng, mme a tsena mo go yone, ene ka esi le barutwa ba gagwe. 2Jaana Jutase, yo o mo okang, le ene a bo a itse felo foo, gonne Jesu o na a tle a ye teng gantsi le barutwa ba gagwe. 3Foo Jutase, ka a bonye mophato wa batlhabani, le maotlana a a tswang kwa ditlhogong tsa baperesiti le Bafarisai, a tla teng a tshotse dipone, le ditime, le dibolao. 4Ke gone Jesu, ka a itse dilo tsotlhe tse di tlaa mo tlelang, a ya go ba kgatlhantsha, a ba raya a re: “Lo batla mang?”
5Ba mo fetola ba re: “Jesu wa Nasaretha.” Jesu a ba raya a re: “Ke nna.” Mme Jutase yo o mo okang, le ene a bo a eme nabo. 6Ke gone, e rileng a ba raya a re: “Ke nna,” ba kata ka morago, ba wela fa fatshe. 7Foo a ba botsa gape, a re: “Lo batla mang?” Ba re: “Jesu wa Nasaretha.”
8Jesu a ba fetola a re: “Ke lo boleletse fa e le nna; mme ka re, fa lo batla nna, lesang ba ba tsamaye.” 9Gore lefoko le dirafale le o le buileng, a re: “Mo go ba o ba nneileng, ga ke a latlhegelwa ke ope.”
10Foo Simone Petere, ka a tshotse tšhaka, a e somola, a rema motlhanka wa moperesiti yo mogolo, a mo kgaola tsebe ya ka fa tsogong le legolo. Leina la motlhanka yoo, e ne e le Maleko. 11 Foo Jesu a raya Petere a re: “Somela tšhaka mo kgatleng; senwelo se Rara o se nneileng, a ga nketla ke se nwa?”
Jesu o isiwa fa pele ga moperesiti yo mogolo Anase
(Math 26:57-58; Mar 14:53-54; Luke 22:54)
12Jalo mophato, o na le mong wa mophato, le maotlana a Bajuta, ba tshwara Jesu, ba mo golega. 13Ba mo gogela kwa go Anase pele; ka gobo ene e le mogwagadia Kaiafase, yo e neng e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo. 14 Aitse Kaiafase ke ene o gakolotseng Bajuta, gore go ka nna molemo motho a le mongwe fela a swela sešaba.
Petere o itatola Jesu
(Math 26:69-70; Mar 14:66-68; Luke 22:55-57)
15Simone Petere a latela Jesu, le morutwa yo mongwe a dira jalo. Jaana morutwa yo mongwe, yoo a bo a itsiwe ke moperesiti yo mogolo, mme a tsena le Jesu mo lwapeng lwa moperesiti yo mogolo; 16Petere o na a eme fa kgorong ka fa ntle. Foo morutwa yo mongwe, yo o itsiweng ke moperesiti yo mogolo, a tswela kwa ntle, a ya go bua le mosadi yo o disitseng kgoro, mme a isa Petere mo teng. 17Foo lelata le le disitseng kgoro la raya Petere la re: “A le wena o mongwe wa barutwa ba monna yo?” A re: “Nnyaa.”
18Jaana batlhanka le maotlana ba bo ba eme teng, ba gotsitse molelo o o magala; gonne go ne go le tsididi; ba bo ba ikomosa; Petere le ene a nna nabo, a eme a ikomosa.
Jesu o bodiwa dipotso ke Moperesiti yo mogolo
19Moperesiti yo mogolo a botsa Jesu ka ga barutwa ba gagwe, le ka ga thuto ya gagwe. 20Jesu a mo fetola a re: “Ke buile le lefatshe ka ponalo; gale ke ntse ke ruta mo matlong a thuto le mo tempeleng, kwa Bajuta botlhe ba phuthegelang teng; ga ke a buela sepe mo sephiring. 21O mpoletsang? Botsa ba ba nkutlwileng, se ke se buileng nabo; bona bao ba itse dilo tse ke di buileng.”
22Ya re a sena go bua lefoko le, mongwe wa maotlana a a emeng teng a gatla Jesu ka thobane, a re: “A o fetola moperesiti yo mogolo jalo?”
23Jesu a mo fetlola a re: “Fa ke buile bosula, supa ka ga bosula, mme fa ke buile sentle, o nkgalelang?”
24Foo Anase a mo isa a golegilwe kwa go Kaiafase moperesiti yo mogolo.
Petere o itatola Jesu gape
(Math 26:71-75; Mar 14:69-72; Luke 22:58-62)
25Jaana Simone Petere a bo a eme a ikomosa. Mme ba mo raya ba re: “A le wena o mongwe wa barutwa ba gagwe?” A itatola a re: “Nnyaa.”
26Mongwe wa batlhanka ba moperesiti yo mogolo, e le tsala ya yo Petere o mo kgaotseng tsebe, a re: “A ga ke a go bona o na nae kwa tshimong?”
27Foo Petere a ba a itatola gape; mme koko e tona ya akofa ya lela.
Jesu o fa pele ga Pilato
(Math 27:1-2,11-14; Mar 15:1-5; Luke 23:1-5)
28Ba tlosa Jesu fa go Kaiafase ba mo isa kwa ntlong ya tshekelo, mme ga bo go le ka maphakela; mme bone ka bosi ba se ka ba tsena mo ntlong ya tshekelo, gore ba se ka ba itshekololwa, e le gore ba je Tlolaganyo. 29Foo Pilato a tswela kwa go bone a re: “Lo supa molato ofe mo monneng yo?”
30Ba mo fetola ba re: “Fa monna yo e ka bo e se modira bosula, re ka bo re se ka ra mo go neela.”
31Foo Pilato a ba raya a re: “Mo itseeleng, lo mo sekise ka fa molaong wa lona.” Bajuta ba mo raya ba re: “Ga re a letlelelwa go bolaya motho ope,” 32 e le gore lefoko la ga Jesu le dirafale, le o kileng a le bua ka a kaya mokgwa wa loso lo o tlaa lo swang.
33Foo Pilato a tloga a boela mo ntlong ya tshekelo, mme a bitsa Jesu, a mo raya a re: “A ke wena Kgosi ya Bajuta?”
34Jesu a mo fetola a re: “A o bua lefoko le ka wesi, gongwe ba bangwe ba le go boleletse ka ga me?”
35Pilato a mo fetola, a re: “A ke Mojuta? Aitse morafe wa ga eno, le ditlhogo tsa baperesiti, ke bone ba ba go nneetseng. O dirileng?”
36Jesu a mo fetola a re: “Bogosi jwa me ga se jwa lefatshe leno; fa bogosi jwa me e ka bo e le jwa lefatshe leno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neelwa Bajuta; mme jaana bogosi jwa me ga se jwa mono.”
37Foo Pilato a mo raya a re: “Mme a o kgosi?” Jesu a mo fetola a re: “Wena wa re ke kgosi. Ke tsaletswe gone moo, mme ke tletse gone moo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo o leng wa boammaaruri o utlwa lentswe la me.”
38Pilato a mo raya a re: “Boammaaruri ke eng?”
Jesu o atlholelwa loso
(Math 27:15-31; Mar 15:6-20; Luke 23:13-25)
Ya re a sena go bua jalo, a ba a tswela gape kwa Bajuteng, a ba raya a re: “Ga ke bone molato mo go ene. 39Mme lona e ne e re go le Tlolaganyo, lo na le temalo ya gore ke lo gololele mongwe, ke gone a lo rata ka lo gololela Kgosi ya Bajuta?”
40Foo ba goa ka thata gape ba re: “E seng monna yo, mme a e nne Barabase.” Mme Barabase ya bo e le senokwane.

Currently Selected:

JOHANE 18: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy