YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 17

17
Jesu o rapelela barutwa ba gagwe
1Jesu a bua dilo tse; mme a lelalela legodimong a re: “Rara, lobaka lo fitlhile; galaletsa Morwao gore Morwao a go galaletse; 2fela jaaka o mo neile taolo mo nameng yotlhe, e tle e re bone ba o ba mo neileng le fa e ka ne e le mang, a ba neye botshelo jo bo sa khutleng. 3Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete. 4Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneetseng go e dira. 5Mme jaana, Rara, a ko o nkgalaletse nao, ka kgalalelo e ke neng ke ntse ke na nayo nao pele lefatshe le ise le nne.
6“Leina la gago ke le bontshitse batho ba o ba lomolotseng mo lefatsheng wa ba nnaya; e ne e le ba gago, mme wa ba nnaya, mme ba tshegeditse lefoko la gago. 7Jaanong ba a itse fa dilo tsotlhe fela tse o di nneileng di tswa kwa go wena; 8gonne mafoko a o a nneileng ke a neile bone; ba a tshotse, mme ba itsile fa ruri ke tswa kwa go wena, ba bile ba dumetse fa o nthomile. 9Ke a ba rapelela; ga ke rapelele lefatshe, fa e se bone ba o ba nneileng, gonne ke ba gago; 10dilo tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago, le tsa gago ke tsa me; mme ke galalediwa mo go tsone. 11Ga ke tlhole ke le mo lefatsheng, mme bone ba mo lefatsheng, mme ke ya koo go wena. Rara yo o boitshepo, ba boloke ka leina la gago le o le nneileng, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona. 12 Ke rile ke sa ntse ke nna nabo, ka ba boloka ka leina la gago le o le nneileng; ka ba femela, mme go se ka ga latlhega ope wa bone, fa e se ngwana wa tatlhego fela; gore lokwalo lo dirafale. 13Jaana ke ya koo go wena; mme dilo tse, ke di bua mo lefatsheng, gore boitumelo jwa me bo dirale mo go bone ka bosi. 14Ke ba neile lefoko la gago; mme lefatshe la ba ila, ka gobo ba se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe. 15Ga ke rapele gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba dibele mo go yo o bosula. 16Bone ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe. 17Ba itshepise mo boammaaruring; lefoko la gago ke boammaaruri. 18Jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke romile bone jalo mo lefatsheng. 19Ke a iitshepisa ka ntlha ya bone, gore le bone ka bosi ba itshepisiwe mo boammaaruring.
20“Le gone ga ke rapelele bone bosi, mme ke rapelela le ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone; 21gore ba nne bangwe fela botlhe; fela jaaka wena Rara o le mo go nna, le nna mo go wena, gore le bone ba nne mo go rona, gore lefatshe le dumele fa o nthomile. 22Le kgalalelo e o e nneileng, ke e neile bone, gore ba nne bangwe fela, jaaka rona re le mongwe fela. 23Nna mo go bone, le wena mo go nna, gore ba dirwe boitekanelo mo bongwefeleng; gore lefatshe le itse fa o nthomile, le gore o rata bone, fela jaaka o ratile nna.
24“Rara, ba o ba nneileng, ke rata gore kwa ke teng, le bone ka bo ke na nabo; gore ba bone kgalalelo ya me, e o e nneileng; gonne o nthatile pele ga tlholego ya lefatshe. 25Rara yo o tshiamo, lefatshe ga le a ka la go itse, mme nna ke go itsile; le ba, ba itsile fa o nthomile. 26Ke ba itsisitse leina la gago, mme ke tlaa nna ke le ba itsise; gore lorato lo o nthatileng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”

Currently Selected:

JOHANE 17: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy