YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 11

11
Loso lwa ga Lasaro
1 Jaana ga bo go lwala monna mongwe go twe Lasaro wa Bethania, motsana wa ga gabo Maria le Maretha mogoloe. 2 Maria yo ya bo e le ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo, a mo phimola dinao ka moriri wa gagwe, yo Lasaro kgaitsadie o lwalang. 3Ke gone bokgaitsadie ba roma kwa go Jesu ba re: “Morena, bona, yo o mo ratang o a lwala.”
4Ya re Jesu a utlwa, a re: “Bolwetse jo ga se jwa loso, mme ke jwa kgalaletso ya Modimo, gore Morwa Modimo a galalediwe ka jone.”
5Jaana Jesu a bo a rata Maretha le monnawe, le Lasaro. 6Ke gone ya re a utlwa fa a lwala, a nama a sa tlhotse malatsi a le mabedi mo felong fa o neng a le teng ka lobaka loo. 7Morago ga moo a raya barutwa ba gagwe a re: “A re be re yeng gape kwa Jutea.”
8Barutwa ba mo raya ba re: “Rabi, aitse Bajuta ba ne ba senka go go kgobotletsa ka maje jaanong fela jaana, mme a o bile o ya teng gape?”
9Jesu a ba fetola a re: “A dinako tsa motshegare ga di 12? Fa motho a tsamaya go le motshegare, ga a ke a kgotšwa, ka a bona lesedi la lefatshe leno. 10Mme fa motho a tsamaya bosigo, o a tle a kgotšwe, ka lesedi le seyo mo go ene.” 11Dilo tse a di bua; mme morago ga mo a ba raya a re: “Lasaro, tsala ya rona, e robetse; mme ke a ya gore ke mo tsose mo borokong.”
12Barutwa ba mo raya ba re: “Morena, fa a robetse, o tlaa fola.”
13Jaana Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe; bone ba gopola fa a raya go ikhutsa ga boroko. 14Jesu a ba bolelela ka thanolo a re: “Lasaro o sule. 15Mme ka ga lona ke a itumela ka ke ne ke se teng, gore lo tle lo dumele; le fa go ntse jalo a re yeng kwa go ene.”
16Thomase yo o bidiwang Didimo, a raya barutwa ka ene a re: “Le rona a re tsamayeng, re tle re swe nae.”
Jesu ke ene tsogo le botshelo
17Jalo ya re Jesu a tla, a fitlhela a bile a setse a ntse malatsi a le mane mo phupung. 18Jaana Bethania wa bo o le gaufi le Jerusalema, e ka ne e le sebaka sa dikilometara di ka nna tharo go tswa teng. 19Bajuta ba le bantsi ba ne ba tsile matshedisong, mo go Maretha le Maria go ba gomotsa ka ga kgaitsadia bone.
20Foo Maretha, ya re a utlwa fa Jesu a tla, a ya go mo kgatlhantsha; mme Maria a sala a dutse mo ntlong. 21Maretha a raya Jesu a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le fa, kgaitsadiake o ko a se ka a swa. 22Le jaana ke a itse, gore le fa e le eng se o se lopang Modimo, Modimo o tlaa se go naya.”
23Jesu a mo raya a re: “Kgaitsadio o tlaa ba a tsoga.”
24Maretha a mo raya a re: “Ke a itse fa a tlaa ba a tsoga mo go tsogeng ka letsatsi la bofelo.”
25Jesu a mo raya a re: “Ke nna tsogo le botshelo; yo o dumelang mo go nna, le fa a a swa, le fa go ntse jalo o tlaa tshela; 26le fa e le mang yo o tshelang, a ba a dumela mo go nna, ga a ketla a swa gope. A mo o a go dumela?”
27A mo raya a re: “Ee, Morena; ke dumetse fa o le Keresete, Morwa Modimo, e bong ene yo o tlang mo lefatsheng.”
Jesu a lela
28Ya re a sena go bua jalo a tsamaya, a ya go bitsa Maria monnawe ka go iphitlha, a re: “Moruti o fa, mme o a go bitsa.” 29Ene ya re a utlwa a nanoga ka bonako, a ya kwa go ene.
30Jaana Jesu o ne a ise a fitlhe mo motsaneng, a sa ntse a le mo felong fa Maretha o kgatlhanyeng nae teng. 31Foo Bajuta ba ba nang nae mo ntlong ba mo gomotsa, ya re ba bona fa Maria a nanoga ka bonako a tswela kwa ntle ba mo sala morago, ba gopola gore o ya kwa phupung, a ya go lelela teng.
32Foo Maria a re a fitlha fa Jesu o leng teng, a mmona, a wela fa dinaong tsa gagwe, a mo raya a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le fa, kgaitsadiake o ko a se ka a swa.”
33Ya re Jesu a mmona a lela, le Bajuta ba ba tsileng nae ba lela, a gogomoga mo moweng, a fuduega, 34a re: “Lo mmeile kae?” Ba mo raya ba re: “Morena, tla o bone.”
35Jesu a lela. 36Foo Bajuta ba re: “Bonang jaaka a ne a mo rata!”
37Bangwe ba bone ba re: “A monna yo, yo o foufolotseng matlho a yo o neng a foufetse, a o ne a sa ka ke a dira le gone gore monna yo a se ka a swa?”
Jesu o tsosa Lasaro mo losong
38Foo Jesu a ba a gogoma pelo gape, a fitlha fa phupung. Ya bo e le logaga, mme letlapa la bo le aegetswe mo go lone. 39Jesu a re: “Tlosang letlapa.” Maretha, kgaitsadia yo o suleng, a mo raya a re: “Morena, gompieno o setse a nkga, gonne o tlhotse malatsi a le mane a sule.”
40Jesu a mo raya a re: “A ga ke a go raya ka re, fa o ne o dumela, o tlaa bona kgalalelo ya Modimo?” 41Jalo ba tlosa letlapa. Mme Jesu a lelala a re: “Rara, ke a go leboga ka o nkutlwile. 42Ke ne ke itse fa o nkutlwa gale; mme ka bo ke buisiwa ke bontsi jwa batho jo bo emeng fa ba ntikanyeditse, ka re ba tle ba dumele fa o nthomile.” 43Ya re a sena go bua jalo, a goa ka lentswe le le godileng a re: “Lasaro, tswa!” 44Yo o neng a sule a tswa, a sa fapilwe mabogo le maoto ka matsela a phitlho; sefatlhogo sa gagwe le sone se fapilwe ka letsela, Jesu a ba raya a re: “Mo fapololeng lo mo lese a tsamaye.”
Ba rera go bolaya Jesu
(Math 26:1-5; Mar 14:1-2; Luke 22:1-2)
45Foo bontsi jwa Bajuta ba ba tsileng mo go Maria, ba bona dilo tse Jesu o di dirileng, mme ba dumela mo go ene. 46Bangwe ba bone ba tloga ba ya kwa Bafarisaing, ba ba bolelela dilo tse Jesu o di dirileng. 47Foo ditlhogo tsa baperesiti le Bafarisai ba epa pitso, ba re: “Re dirang, gonne monna yo o dira ditshupo di le dintsi? 48Fa re mo lesa fela jaana, batho botlhe ba tlaa dumela mo go ene; Baroma ba tlaa tla ba tlosa bonno jwa rona le morafe wa rona.”
49Mongwe wa bone, go twe Kaiafase, e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a ba raya a re: “Ga lo itse sepe. 50Le gone ga lo tlhokomele fa go ka nna molemo mo go lona gore motho a le mongwe fela a swele sešaba, e seng morafe otlhe go nyelela.” 51Jaana golo mo a bo a sa go bue fela ka esi; mme ya re ka a le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a bo a bolelelapele fa Jesu a tlaa swela morafe. 52E seng morafe oo o le osi, mme le gone e le gore a tle a phuthele gongwe bana ba Modimo ba ba faletseng.
53Jalo go simolola fela ka letsatsi leo ba gakololana gore ba mmolaye. 54Ke gone Jesu ga a ka a tlhola a tsamaya mo ponong mo Bajuteng, mme a tswa teng a ya kwa lefatsheng le le tshwaraganyeng le naga fela, kwa motseng o o bidiwang Eferaime; a ya a tlholatlhola teng le barutwa ba gagwe.
55Jaana Tlolaganyo ya Bajuta e ne e le gaufi; batho ba le bantsi ba ba tswang mo lefatsheng ba tlhatlogela kwa Jerusalema pele ga Tlolaganyo, ba ya go iitshekisa. 56Ke gone ba batla Jesu, mme ba bua mmogo ba eme mo tempeleng, ba re: “Lo gopolang? A ke gore ga a ketla a tla mo modirong?” 57Jaana ditlhogo tsa baperesiti le Bafarisai ba bo ba laotse gore fa mongwe a itse kwa o leng teng, a go supe, gore ba mo tshware.

Currently Selected:

JOHANE 11: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy