YouVersion Logo
Search Icon

ESERA 1

1
Kurose o laela Bajuta go boela gae
1 Jaana e rile ka ngwaga wa ntlha wa ga Kurose kgosi ya Peresia, e le gore lefoko la ga Jehofa ka molomo wa ga Jeremia le dirafadiwe, Jehofa a tlhotlheletsa mowa wa ga Kurose kgosi ya Peresia, a ba a tla a dira kitsiso mo bogosing jotlhe jwa gagwe, le gone a e kwala, 2 a re: “Kurose kgosi ya Peresia o bua jaana, a re: Jehofa Modimo wa legodimo o nneile magosi otlhe a lefatshe; o ntaotse gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema o o kwa lefatsheng la Juta. 3Le fa e ka bo e le mang yo o teng mo go lona wa batho botlhe ba gagwe, a Modimo wa gagwe o nne nae, a a tlhatlogele kwa Jerusalema, o o kwa Juta, mme a a age ntlo e e mo Jerusalema ya ga Jehofa Modimo wa Iseraele, (ke ene Modimo). 4Le fa e le mang yo o setseng, mo felong gongwe kwa o jakileng gone, a banna ba felo foo ba mo thuse ka selefera, le ka gouta, ka dilwana le ka dipelesa, kwa ntle ga neo e e leng ya peleego fela, e e ntshediwang ntlo ya Modimo e e kwa Jerusalema.”
5Foo ga nanoga ditlhogo tsa makgotla a borra ba Juta le ba Benjamine le baperesiti, le Balefi, e bong botlhe ba Modimo o tlhotlheleditseng mowa wa bone go tla ba ya go aga ntlo ya ga Jehofa e e kwa Jerusalema. 6Botlhe ba ba mo tikologong ya bone ba thatafatsa diatla tsa bone ka dilwana tsa selefera, ka gouta, ka dilwana, le ka dipelesa le ka dilo tse di tlhokegang, kwa ntle ga tsotlhe tse di ntshiwang ka peleego fela.
7Gape kgosi Kurose a ntsha dilwana tsa ntlo ya ga Jehofa, tse Nebukatenesare o kileng a di gapa a di tsaya kwa Jerusalema, a di tsenya mo ntlong ya medimo ya gagwe. 8Tsone tseo Kurose kgosi ya Peresia a di ntsha ka Mitheretathe mmoloki wa dikhumo, mme a di balela Shešebasare, kgosana ya Juta. 9Mme ke yone palo ya tsone: Dijana tsa gouta di le 30, megotšana ya selefera e le 1 000, dithipa di le 29. 10Dinwelo tsa gouta di le 30, dinwelo tsa selefera tsa mohuta wa bobedi di le 410, le dilwana tse dingwe di le 1 000.
11Dilwana tsa gouta le tsa selefera di le mmogo di ne di le 5 400. Dilo tse tsotlhe Shešebasare a ya natso, jale ka batho ba botshwaro ba tlhatlosiwa kwa Babilone ba isiwa Jerusalema.

Currently Selected:

ESERA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy