YouVersion Logo
Search Icon

DITIRO 1

1
Tsholofetso ya Mowa o o Boitshepo
1 Motlotlegi Theofilo: Lokwalo lwa pele ke lo kwadile ka ga tsotlhe tse Jesu o simolotseng go di dira le go ruta ka tsone, 2go tla go fitlha mo tsatsing le o tlhatlositsweng ka lone, a sena go naya baaposetole ba o neng a ba itshenketse taolo, ka Mowa o o Boitshepo; 3ba o bileng a ba ipontsha a tshedile, morago ga loso lwa gagwe, ka ditshupo di le dintsi, a bonala mo go bone ka lobaka lwa malatsi a a 40, a bua dilo tse e leng tsa bogosi jwa Modimo; 4 e rile ba phuthegile nae a ba laya a re, ba se ka ba tloga mo Jerusalema, mme ba lebelele polelo ya tsholofetso ya Rara, e o reng lo e utlwile mo go nna: 5 Gonne le gale Johane o ne a kolobetsa ka metsi; mme e tlaa re malatsi a ise a nne mantsi, lona lo tlaa kolobediwa ka Mowa o o Boitshepo.
Tlhatlogo ya ga Jesu
6Ke gone e rileng ba phuthegile, ba mmotsa ba re: “Morena, a o busetsa Iseraele bogosi ka baka lono?”
7Mme a ba raya a re: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseng mo thateng ya gagwe. 8 Mme e tlaa re Mowa o o Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa bona nonofo; lo tlaa nna basupi ba me mo Jerusalema, le mo lefatsheng lotlhe la Jutea le la Samaria, go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.” 9 E rile a sena go bua dilo tse, ba ntse ba lebile, a tlhatlosiwa; leru la mo tshola mo ponong ya bone.
10Ya re ba sa ntse ba lebile thata kwa loaping jaaka a tsamaya, bonang, banna ba le babedi ba ema fa go bone, ba apere diaparo tse ditshweu; 11ba ba bileng ba bua ba re: “Lona banna ba Galilea, lo emetseng lo lebile kwa loaping? Jesu yo, yo o tsholeleditsweng kwa legodimong a tswa mo go lona, o tlaa tla jalo fela jaaka lo mmonye a ya kwa legodimong.”
Go tlhophiwa yo o tsayang maemo a ga Jutase
12Foo ba boela Jerusalema ba tswa mo thoteng e go tweng Lotlhware, e e leng gaufi le Jerusalema, e bong mo go kanang ka loeto lwa letsatsi la Sabata. 13 E rile ba sena go goroga, ba tlhatlogela kwa ntlong e e kwa godimo, kwa ba ne ba nna teng; e bong Petere, Johane, Jakobe, Anterea, Filipo, Thomase, Baretholomea, Mathaio, Jakobe morwa Alefaio, Simone wa Moselote le Jutase morwa Jakobe. 14Botlhe ba, ba nnela ruri ka bongwe fela jwa pelo mo thapelong, ba na le basadi, le Maria mma Jesu, le bomonnawe Jesu.
15Ya re mo malatsing ao, Petere a ema fa gare ga bakaulengwe, mme ga bo go phuthegile bontsi jwa batho, e ka ne e le 120, mme a re: 16“Bakaulengwe, go ne go tshwanetse gore lokwalo lo dirafale, lo Mowa o o Boitshepo o buileng ka lone gale ka molomo wa ga Dafite, wa bua ka ga Jutase, yo e neng e le mogogi wa ba ba tshwereng Jesu. 17Gonne o ne a baletswe le rona, a ba a amogela kabelo ya gagwe mo tirelong e.”
18 Jaana motho yoo a bapala sebata sa naga ka tuelo ya boikepo jwa gagwe; mme o rile a thubanyetsega, a phanyega ka bogare, mala a gagwe a gorometsega otlhe. 19Mo ga tla ga itsiwe ke botlhe ba ba agileng mo Jerusalema; le sebata seo sa bidiwa mo puong ya bone, ga twe, Akeledama, ke go re: “Naga ya madi a motho”.
20 “Gonne go kwadilwe mo lokwalong lwa Dipesalema ga twe:
“ ‘A boago jwa gagwe bo swafadiwe,
a go se nne motho ope yo o agang teng;
a motho o sele
a tseye tiro ya gagwe ya tebelo.’
21“Ke gone mo bathong ba re ntseng ra nna nabo ka lobaka lotlhe, lo Morena Jesu o ntseng a nna a tsamaya mo go rona ka lone, 22 go simolola ka kolobetso ya ga Johane, go tla go fitlha mo tsatsing le o tlhatlositsweng mo go rona ka lone, ka re, mo bathong bao, a go dire le mongwe yo o tlaa nnang mosupi le rona wa go tsoga ga gagwe.”
23Mme ba emisa ba le babedi, e bong Josefe yo o bidiwang Baresabase, yo o ne a okelediwa leina la Juseto, a na le Matiase. 24Ba rapela ba re: “Morena yo o itseng dipelo tsa batho botlhe, supa yo o mo itshenketseng mo go ba babedi ba. 25Gore a tle a tseye boemo jwa boaposetole mo tirelong e, jo Jutase o oleng mo go jone gore a ye kwa bonnong jwa gagwe.” 26Ba ba laola ka bola; mme bola jwa supa Matiase; mme a balelwa mo baaposetoleng ba ba 11.

Currently Selected:

DITIRO 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy