YouVersion Logo
Search Icon

SEFANYA 1

1
1Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Sefanya, morwa Khuši, morwa Ketalea, morwa Amaria, morwa Hesekia, mo malatsing a go Josia, morwa Amone, kgosi ya Juta, le re:
Letsatsi la Morena la petso le tla wela Juta
2“Ke tla tlosa ke fedisa dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng,” go bua Morena. 3“Ke tla fedisa batho le dikgomo, ke fedisa dinonyane tsa loapi le ditlhapi tsa lewatle, le dikgopiso mmogo le baikepi; ke tla nyeletsa batho mo lefatsheng,” go bua Morena.
4“Ke tla otlolola letsogo go otla Juta le baagi botlhe ba Jerusalema; ke tla nyeletsa Baale gotlhegotlhe le leina la baperesiti ba medimo mmogo le baperesiti ba Modimo mo felong fano, 5le ba ba obamelang lesomo la masedi a legodimo ba le mo godimo ga matlo, le baobamedi ba ba ikanang ka Morena, e bile ba ikana ka Milekome fela jalo; 6le ba ba ikepang mo Moreneng le ba ba sa batleng Morena le ba ba se nang sepe nae.”
7Didimalang fa pele ga Morena Modimo, gonne letsatsi la Morena le gaufi; Morena o baakantse setlhabelo, a itshepisa balalediwi ba gagwe. 8“Mme e tla re mo letsatsing la setlhabelo sa Morena ke betse dikgosana le bomorwa kgosi le botlhe ba ba apereng diaparo tsa mafatshe a sele. 9Le gona ka letsatsi leo ke tla betsa botlhe ba ba tlolang serepodi, ba ba tlatsang matlo a barena ba bone kgatelelo le tsietso.”
10 Morena a re: “E tla re ka letsatsi leo go utlwale go goa go tswa kwa Kgorong-ya-Ditlhapi, le selelo se tswa kwa Motseng-o-mošwa, le loratla lo logolo lo tswa kwa mebotong. 11Goang, lona baagi ba kwa lehudung; gonne go fedisiwa morafe otlhe wa barekisi, go nyelediwa botlhe ba ba tshotseng madi.
12“E tla re ka sebaka seo ke fukutse Jerusalema ka dipone, ke betse banna ba ba senyegileng pelo jaaka bojalwa jo bo sa tlhotlhwang, ba ba buang mo dipelong tsa bone ba re: ‘Morena ga a nke a dira molemo le e seng bosula.’ 13Khumo ya bone e tla thukhuthwa, matlo a bone a fetoga matlotla; ba tla aga matlo, mme ba sa nne mo go ona; ba tlhoma masimo a meweine, mme ba sa nwe weine ya ona.”
14Letsatsi le legolo la Morena le gaufi; le gaufi, le atamela ka pele thata; utlwa, ke letsatsi la Morena! Mogale ke yole, o goa ka bogalaka! 15Letsatsi leo ke letsatsi la kgalefo; ke letsatsi la tlalelo le pitlagano; ke letsatsi la tobekanyo le thubakanyo; ke letsatsi la lefifi le bontsho; ke letsatsi la maru le mouwane; 16ke letsatsi la modumo wa lonaka le mokgosi wa ntwa kgatlhanong le metse e e femetsweng le dirala tsa batlhodi tse di mo godimo ga dipota.
17“Ke tla tsenya batho mo tlalelong gore ba tsamae jaaka difofu, gonne ba leofetse Morena. Madi a bone a tla tshololwa jaaka lerole, le nama ya bone jaaka mantle.”
18Lefa e le selefera ya bone kgotsa gouta ya bone le tsona ga di nke di kgona go ba pholosa ka letsatsi la bogale jwa Morena, mme lefatshe lotlhe le tla jewa ke molelo wa lefufa la Gagwe, ruri O tla nyeletsa baagi ba lefatshe ka bonako.

Currently Selected:

SEFANYA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy