YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 4

4
Jesu fa sedibeng sa ga Jakobe kwa Samaria
1E rile Morena a lemoga gore Bafarisai ba utlwile go twe, Jesu o dira barutwa ba le bantsi, e bile o kolobetsa bogolo go Johane, 2– le fa Jesu ka esi a ne a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe – 3a tloga mo Jutea, a ba a boela kwa Galelea. 4Mme o ne a tshwanetse go ralala Samaria.
5Jaanong a fitlha kwa motseng mongwe wa Samaria o o bidiwang Sigare, gaufi le tshimo e Jakobe a neng a e file Josefa morwawe. 6Foo ga bo go le sediba sa ga Jakobe. Jaanong ya re ka Jesu a lapisitswe ke leeto, a nna fa sedibeng, e ne e ka nna ka nako ya motshegare.
7Ga tla mosadi wa Samaria go ga metsi. Jesu a mo raya a re: “Mphe ke nwe!” 8Gonne barutwa ba gagwe ba ne ba ile kwa motseng go reka dijo.
9Jaanong mosadi wa Mosamaria a mo raya a re: “Wena yo o leng Mojuta o ka kopa jang metsi mo go nna ke le mosadi wa Mosamaria?” A re jalo ka gonne Bajuta ba ne ba sa tsalane le Basamaria.
10Jesu a mo araba a re: “Fa ò ka bo o itse neo ya Modimo le gore ke mang yo o go rayang a re: Mphe ke nwe! ke wena o ka bong o mo kopile, mme a ka bo a go naya metsi a a phelang.”
11Mosadi a mo raya a re: “Morena, ga o na segelelo, mme sediba se boteng; metsi a a phelang o ka a tsaya kae? 12A o mogolo go rraetsho Jakobe yo o re neileng sediba se, yo o neng a nwa mo go sona ka esi le bomorwawe le diruiwa tsa gagwe?”
13Jesu a mo fetola a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang metse a, o tla nyorwa gape; 14mme yo o ka nwang metsi a nna ke tla a mo nayang, ga a ka ke a tlhola a nyorwa ka bosenabokhutlo; mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna motswedi mo go ene o o elelang go isa bophelong jo bo sa khutleng.”
15Mosadi a mo raya a re: “Morena, a o ko o mphe metsi ao, gore ke se tlhole ke nyorwa, le e seng go tla kwano go ga.”
16Jesu a mo raya a re: “Yaa o bitse monna wa gago, lo tle kwano!”
17Mosadi a fetola a re: “Ga ke na monna.”
Jesu a mo raya a re: “O buile sentle, fa o re, ga o na monna; 18gonne ke banna ba batlhano ba ba neng ba go nyala, mme yo ò nang nae kajeno ga se monna wa gago; moo o buile nnete.”
19Mosadi a mo raya a re: “Morena, ke lemoga gore o moporofeti. 20Borraetsho ba ne ba obamela mo thabeng e, mme lona lo a re: Jerusalema ke felogosi fa go tshwanetseng ga obamelwa teng.”
21Jesu a mo raya a re: “Mosadi, o ntumele, nako e e tla e lo se kitlang lo obamela Rara ka yona mo thabeng e, le fa e le kwa Jerusalema. 22Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng; gonne pholoso e tswa mo Bajuteng. 23Mme nako e e tla, le jaanong e setse e tsile, e baobamedi ba nnete ba tla obamelang Rara ka yona ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla baobamedi ba ba ntseng jalo. 24Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba tshwanetse go o obamela ka Mowa le ka boammaaruri.”
25Mosadi a mo raya a re: “Ke itse gore Mesia yo o bidiwang Keresete o e tla; e tla re a sena go tla, a re bolelele dilo tsotlhe.”
26Jesu a mo raya a re: “Ke nna yo ke buang nao.”
27Ke fa barutwa ba gagwe ba tla; mme ba gakgamala, ka a bua le mosadi. Le fa go ntse jalo ga se ka ga nna ope yo o reng: “Ò batlang?” gongwe go Jesu: “O buelang nae?”
28Jaanong mosadi a tlogela nkgwana ya gagwe, a ya kwa motseng, a raya batho a re: 29“Tlaang lo bone motho yo o mpoleletseng tsotlhe tse ke di dirileng; a jaana ga se ene Keresete?” 30Ba tswa mo motseng, ba tla go ene.
31Barutwa ba sala ba mo rapela ba re: “Moruti, a o ko o je!”
32Ene a ba raya a re: “Ke na le sejo se ke se jang, se lo sa se itseng.”
33Jaanong barutwa ba botsanya ba re: “A mongwe o mo tsiseditse dijo?”
34Jesu a ba raya a re: “Sejo sa me ke go dira thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe. 35A ga lo re: ‘Go setse dikgwedi tse nne go ya thobong’? Bonang, ke lo raya ke re: Tsholetsang matlho, lo lebe masimo; gonne a setse a sweufaletse thobo. 36Yo o robang o amogela tuelo, mme leungo o le phuthela bophelo jo bo sa khutleng, gore yo o jwalang a itumele mmogo le yo o robang. 37Gonne fano lefoko le le reng: ‘Mongwe o a jwala, yo mongwe o a roba,’ ke la nnete. 38Ke lo romile go roba fa lo ne lo sa dira teng; go dirile ba bangwe, mme lona lo tsenye mo tirong tsa bone.”
39Basamaria ba bantsi ba motse oo ba dumela mo go ene ka ntlha ya lefoko la mosadi yo o supileng a re: “O mpoleletse tsotlhe tse ke di dirileng.” 40E rile jaanong Basamaria ba tla go ene, ba mo rapela gore a tlhole nabo. A tlhola teng malatsi a le mabedi.
41Ga ba ga dumela ba bantsi go feta ba pele ka ntlha ya lefoko la gagwe. 42Ba raya mosadi ba re: “Jaanong ga re tlhole re dumela ka ntlha ya polelo ya gago; gonne rona ka rosi re mo ikutlwetse, mme re itse gore ke ene Keresete tota, Mopholosi wa lefatshe.”
Jesu o mo Galelea. Phodiso ya morwa tona ya kgosi
43Morago ga malatsi a mabedi a tswa teng, a ya kwa Galelea; 44gonne Jesu ka esi o ne a supile gore moporofeti ga a na tlotlo epe mo lefatsheng la ga gabo. 45E rile jaanong a fitlha kwa Galelea, Bagalelea ba mo tshola, ka ba bonye tsotlhe tse a di dirileng kwa Jerusalema mo moletlong; gonne le bone ba ne ba ile moletlong.
46Jaanong Jesu a fitlha gape kwa Kana wa Galelea, kwa a kileng a fetola metsi weine teng. Ga bo go le tona ya kgosi, e morwaa-yona a neng a lwala kwa Kaperenaume. 47E rile ene a utlwa gore Jesu o dule kwa Jutea, mme o tsile kwa Galelea, a ya go ene, a mo rapela gore a tle go fodisa morwawe; gonne o ne a le gaufi le go swa. 48Jaanong Jesu a mo raya a re: “Fa lo sa bone ditshupo le dikgakgamatso, ga lo dumele ka gope.”
49Tona ya mo raya ya re: “Morena, a o ko o tle, ngwanake a ise a swe.”
50Jesu a mo raya a re: “Tsamaya, morwao o phedile.”
Motho yoo a dumela lefoko le Jesu a le mo rayang, a ba a tsamaya. 51Ya re a sa ntse a le mo tseleng, batlhanka ba gagwe ba mo kgatlhantsha, ba mmolelela gore morwawe o phedile.
52Foo a ba botsa nako e o fodileng ka yona. Ke fa ba mo raya ba re: “E rile maabane ka nako ya motshegare go fisa ga mo tlogela.” 53Jaanong rraagwe a lemoga gore ke yona nako e Jesu a mo reileng ka yona a re: “Morwao o phedile.” Mme a dumela le ba lapa la gagwe botlhe.
54Sesupo seo ke sa bobedi se Jesu o se dirileng, a sena go tswa kwa Jutea, a ya kwa Galelea.

Currently Selected:

JOHANE 4: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy