YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 21

21
Jesu le barutwa ba gagwe fa letsheng la Tiberia
1Morago ga dilo tseo Jesu a iponatsa gape barutweng ba gagwe fa letsheng la Tiberia, a iponatsa jaana: 2Go ne go le Simone Petoro le Thomase yo o bidiwang Lefatlha le Nathanaele wa Kana wa Galelea le bomorwa Sebeteo le ba babedi ba bangwe ba barutwa ba gagwe, ba le mmogo. 3Simone Petoro a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.”
Ba mo raya ba re: “Le rona re ya nao.” Ba tswa ba ya ba palama mokoro; mme ba se ka ba tshwara sepe mo bosigong joo. 4Ya re e setse e le mo mosong, Jesu a ema fa losing lwa letsha, fela barutwa ba se ka ba itse fa e le Jesu. 5Jesu a ba botsa a re: “Banaka, a ga lo na sešabo?”
Ba mo araba ba re: “Nnyaya.”
6A ba raya a re: “Digelang letloa ntlheng ya le le jang ya mokoro, mme lo tla tshwara.” Ya re ba dira jalo, ba se ka ba tlhola ba kgona go le goga ka ntlha ya bontsi jwa ditlhapi.
7Ke fa morutwa yo Jesu a mo ratang a raya Petoro a re: “Ke Morena.” Ya re Simone Petoro a utlwa gore ke Morena, a ikgatlha ka kobo e kgolo, ka a ne a sa apara, a ba a tlolela mo letsheng. 8Mme barutwa ba bangwe ba tla ka mokoro; gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e ka nna dikgato di le 100, ba goga letloa la ditlhapi. 9Ya re ba sena go fitlha kwa lefatsheng, ba bona molelo wa magala teng, le ditlhapi di besitswe mo go ona le senkgwe. 10Jesu a ba raya a re: “Tsisang ditlhapi tse dingwe tsa tse lo di tshwereng jaanong.”
11Simone Petoro a palama mokoro, a gogela letloa kwa lefatsheng, le tletse ditlhapi tse dikgolo di le 153; mme le fa di ne di le kalo, letloa la se ka la gagoga. 12Jesu a ba raya a re: “Tlaang lo fitlhole.” Mme go ne go se ope wa barutwa yo o betang pelo go mmotsa go re: “O mang?” ka ba itse gore ke Morena. 13Jaanong Jesu a tla a tsaya senkgwe, a se ba naya, le ditlhapi jalo.
14E ne e setse e le la boraro Jesu a iponatsa go barutwa, a sena go tsosiwa mo baswing.
Jesu o busetsa Petoro mo boapostolong
15E rile ba sena go fitlhola, Jesu a botsa Simone Petoro a re: “Simone, morwa Jona, a o nthata bogolo go ba?”
A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.”
Jesu a mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me!” 16A boa a mmotsa lwa bobedi a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?”
A mo araba a re: “Ee, Morena, o itse gore ke a go rata.”
Jesu a mo raya a re: “Disa dinku tsa me!” 17A mmotsa lwa boraro a re: “Simone, morwa Jona, a o a nthata?”
Petoro a hutsafala, ka a mmotsa lwa boraro a re: “A o a nthata?” A ba a mo araba a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe, o itse gore ke a go rata.”
Jesu a mo raya a re: “Fudisa dinku tsa me! 18Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: E rile o sa le yo mošwa, wa itlama, wa itsamaela kwa o ratang teng; mme e tla re o sena go tsofala, o otlolole mabogo, mme yo mongwe a go tlame, a go gogele kwa o sa go rateng.” 19O ne a bua jalo go supa gore o tla galaletsa Modimo ka loso lo lo ntseng jang. Ya re a sena go bua jalo, a mo raya a re: “Ntshale morago!”
Mafoko ka ga Johane
20Ya re Petoro a retologa, a bona morutwa yo Jesu a mo ratang, a ba setse morago, ene yo o neng a rapame fa sehubeng sa gagwe mo selalelong, a ba a re: “Morena, ke mang yo o go tshwarisang?” 21Ya re Petoro a mmona, a botsa Jesu a re: “Morena, go tla nna jang ka ga yo?”
22Jesu a mo araba a re: “Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng? Wena ntshale morago!”
23Ka moo ga tuma mo bakaulengweng polelo e e reng: Morutwa yoo ga a nke a swa. Fela Jesu ga a a ka a mo raya a re: “Ga a nke a swa,” mme o rile: “Fa ke rata gore a sale go fitlhelela ke tla, go go tshwenya ka eng?”
Mafoko a bofelo
24Morutwa yoo ke ene yo o supang ka ga dilo tseo, o bile o di kwadile; mme re itse gore tshupo ya gagwe ke boammaaruri.
25Le gona go na le dilo tse dintsi di sele tse Jesu a di dirileng, tse e ka reng fa di ka bo di kwadilwe ka tatelano, ke gopola gore lefatshe le ne le sa ka ke la lekana go tshola dikwalo tse di ka bong di kwadilwe.

Currently Selected:

JOHANE 21: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy