YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 13

13
Jesu o tlhapisa barutwa ba gagwe dinao
1E rile Jesu a itse pele ga moletlo wa Tlolaganyo gore nako ya gagwe e tsile ya go tloga mo lefatsheng leno le go ya kwa go Rara, a rata ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka botlalo, ba a ne a ntse a ba rata.
2Ya re go nna selalelo, Diabolo a bo a setse a tsentse mo pelong ya ga Jutase Isekariote, morwa Simone, gore a mo tshwarise; 3Jesu ene o ne a itse gore Rara o mo neetse dilo tsotlhe diatleng le gore o dule Modimong, e bile o ya kwa Modimong:
4Ke fa a nanoga mo selalelong, a apola kobo, a tsaya sephimolo, a ikgatlha ka sona. 5Morago ga moo a tshela metsi mo mogopong, a simolola go tlhapisa barutwa dinao le go di phimola ka lesela le a ikgatlhileng ka lone. 6Jaanong ya re a tla kwa go Simone Petoro, ene a mo raya a re: “Morena, a ke wena o ka ntlhapisang dinao?”
7Jesu a mo araba a re: “Se ke se dirang wena ga o se tlhaloganye jaanong, mme o tla se lemoga morago.”
8Petoro a mo raya a re: “Ga o ka ke wa ntlhapisa dinao ka gope.”
Jesu a mo fetola a re: “Fa ke sa go tlhapise, ga o na kabelo le nna.”
9Simone Petoro a mo raya a re: “Morena, a e se nne dinao tsa me fela, mme e nne le tsona diatla le tlhogo!”
10Jesu a mo raya a re: “Yo o tlhapisitsweng mmele otlhe, ga go batlege gore a tlhapisiwe fa e se dinao fela, gonne o itshekile gotlhe; lona lo itshekile, fela e seng lotlhe.” 11Ke go re, o ne a itse yo o tla mo tshwarisang; ke ka moo a rileng: “Ga lo a itsheka lotlhe.”
12Jaanong e rile a sena go ba tlhapisa dinao le go apara kobo le go rapama fa dijong gape, a ba raya a re: “A lo lemogile se ke se lo diretseng? 13Lo mpitsa Moruti le Morena, mme lo bua sentle; gonne ke se ke leng sona. 14Jaanong he, fa nna yo ke leng Morena le Moruti ke lo tlhapisitse dinao, le lona lo tshwanetse lwa ne lo tlhapisanya dinao. 15Kana ke ne ke lo beela sekao gore le lona lo dire jaaka ke lo diretse. 16Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Motlhanka ga a mogolo go morena wa gagwe, le ene morongwi ga a mogolo go yo o mo romileng. 17Fa lo itse dilo tse, lo sego fa lo di dira.
Jutase o kgaolwa mo borutweng
(Math. 26:21-25; Mar. 14:18-21; Luka 22:21-23)
18“Ga ke bue ka ga lona lotlhe; ke itse ba ke ba itlhaoletseng. Mme Lokwalo lo tshwanetse go dirafala lo lo reng: ‘Yo o jang senkgwe sa me o ntsholeleditse serethe.’ 19Ke lo bolelela jaanong pele go ise go dirafale gore mogang go dirafalang lo dumele gore ke nna ena. 20Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o tsholang yo ke mo romang o tshola nna, mme yo o ntsholang o tshola ene yo o nthomileng.”
21E rile Jesu a sena go bua dilo tse, a huduega mo moweng, a supa a re: “Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Mongwe wa lona o tla ntswa.”
22Barutwa ba kôbana, ba akabala gore o raya mang. 23Mongwe wa barutwa ba gagwe yo Jesu a mo ratang, o ne a rapame fa sehubeng sa ga Jesu. 24Jaanong Simone Petoro a mo getla gore a botse gore o raya mang.
25Yoo a ba a ikaega ka sehuba sa ga Jesu, a mmotsa a re: “Morena, ke mang?”
26Jesu a araba a re: “Ke ene yo ke tla inang thathana, ke e mo naya.” Jaanong ya re a sena go ina thathana, a e naya Jutase Isekariote, morwa Simone. 27Morago ga thathana gone Satane a tsena mo go ene. Jaanong Jesu a mo raya a re: “Se o se dirang o se dire ka pele.” 28Mme ga se ka ga nna ope wa bone ba ba rapameng fa dijong yo o neng a tlhaloganya gore o buelang nae jalo. 29Gonne e re ka Jutase a ne a tshola sekgwama, bangwe ba ne ba itlhoma gore Jesu o mo raya a re: “Reka tse re di batlelang moletlo;” gongwe a abele bahumanegi sengwe.
30Jaanong ya re a sena go tsaya thathana, a tswa ka pele; mme go ne go le bosigo.
Taolo e ntšhwa, e bong ya go ratana
31E rile a sena go tswa, Jesu a re: “Jaanong Morwa-Motho o galaleditswe, le Modimo o galaleditswe mo go ene. 32Fa Modimo o galaleditswe mo go ene, le ene Modimo o tla mo galaletsa mo go ona, o tla akofa o mo galaletsa. 33Banaka, ke sa na le lona sebakanyana. Lo tla mpatla, mme jaanong le lona ke lo raya jaaka ke reile Bajuta ka re: ‘Kwa ke yang teng, lona lo palelwa ke go fitlha teng.’ 34Ke lo naya taolo e ntšhwa ya gore lo ratane, ka e le fa ke lo ratile gore le lona lo ratane. 35Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga ka gona moo gore lo barutwa ba me.”
Kitsiso ya gore Petoro o tla mo itatola
36Simone Petoro a mo raya a re: “Morena, o ya kae?”
Jesu a mo araba a re: “Kwa ke yang teng, o palelwa ke go ntatela jaanong, mme o tla ntatela morago.”
37Petoro a mo raya a re: “Morena, ke ka ntlha ya eng, fa nka palelwa ke go go latela jaanong? Le bophelo jwa me nka bo go ntshetsa.”
38Jesu a araba a re: “A o ka nntshetsa bophelo jwa gago? Ammaaruri, ammaaruri ke go raya ke re: Mokoko ga o nke o lela, o ise o intatole gararo.

Currently Selected:

JOHANE 13: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy