YouVersion Logo
Search Icon

JEREMIA 1

1
Jeremia
1Mafoko a ga Jeremia, morwa Hilekia, mongwe wa baperesiti ba ba neng ba agile kwa Anathothe mo lefatsheng la Benyamene, 2yo lefoko la Morena le tsileng kwa go ene mo malatsing a ga Josia, morwa Amone, kgosi ya Juta, ka ngwaga wa some tharo wa puso ya gagwe. 3Le gona le tsile kwa go ene mo malatsing a ga Joyakime, morwa Josia, kgosi ya Juta, go ya bofelong jwa ngwaga wa some nngwe wa ga Setekia, morwa Josia, kgosi ya Juta, go fitlha fa ba Jerusalema ba isiwa mo botshwarong mo kgweding ya botlhano.
Jeremia o bilediwa boporofeti
4Lefoko la Morena le tsile kwa go nna la re: 5“E rile ke ise ke go bope mo sebopelong, ka go itse; ya re o ise o tsalwe ke mmaago, ka go itshepisa, ka go dira moporofeti wa ditšhaba.”
6Mme ka re: “Ao, Morena Modimo! Kana ga ke itse go bua. Gonne ke sa le mošwa.”
7Mme Morena a nthaya a re: “Se re, ke sa le mošwa! Gonne o na le go ya kwa go botlhe ba ke go romang kwa go bone, le go bua tsotlhe tse ke di go laelang. 8O se ka wa ba boifa, gonne ke na nao gore ke go pholose,” go bua Morena.
9Ke fa Morena a ntsha seatla, a nkama molomo; Morena a ba a nthaya a re: “Bona, ke baya mafoko a me mo molomong wa gago! 10Bona, kajeno ke go neela thata mo ditšhabeng le mo magosing gore o kumole le go rutla, o senye le go nyeletsa, o age le go tlhoma.”
Dipontsho tse pedi
11Lefoko la Morena la ba la tla kwa go nna la re: “O bona eng, Jeremia?”
Ka re: “Ke bona kalana ya setlhare sa mokgofa .”
12 Morena a ba a nthaya a re: “O bonye sentle. Gonne ke tla tlhofaelela mafoko a me gore ke a dirafatse.”
13Mme lefoko la Morena la tla la bobedi kwa go nna la re: “O bona eng?”
Ka re: “Ke bona pitsa e e belang kwa bokone, mme molomo wa yona o sekametse kwano.”
14Ke fa Morena a nthaya a re: “Tatlhego e tla tshologela baagi botlhe ba lefatshe, e tswa kwa bokone. 15Gonne bona, ke tla bitsa ditso tsotlhe tsa magosi a a kwa bokone,” go bua Morena, “mme ba tla tla, mongwe le mongwe a baya sedulo sa gagwe sa bogosi fa mejakong ya dikgoro tsa Jerusalema, le go bapa le dipota tsa gagwe mo tikologong, le go bapa le metse yotlhe ya Juta. 16Mme ke tla ntsha dikatlholo tsa me ka ga bone ka ntlha ya bosula jotlhe jwa bone, ka ba ntlogetse, ba fisetsa medimo e sele maswalo, ba obamela ditiro tsa diatla tsa bone. 17Mme wena, itlame letheka, o ipaakanye, o ba bolelele tsotlhe tse ke di go laelang. O se ka wa ba boifa, gore ke se ka ka go boifisa fa pele ga bone. 18Mme bona, kajeno nna ka nosi ke go dirile motse o o femetsweng, le tshipi-lore le dipota tsa kgotlho gore o palele lefatshe lotlhe le dikgosi tsa Juta, le dikgosana tsa gagwe, le baperesiti ba gagwe le batho ba ba mo nageng. 19Le fa ba tla lwa nao, ga ba kitla ba go fenya; gonne ke na nao gore ke go thuse,” go bua Morena.

Currently Selected:

JEREMIA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy