YouVersion Logo
Search Icon

BAGALATIA 1

1
Tumediso
1Nna Paulo moapostolo – yo ke sa rongwang ke batho le e seng ka motho, mme e le ka Jesu Keresete le Modimo Rara yo o mo tsositseng mo baswing – 2le bakaulengwe botlhe ba ba nang le nna, re kwalela diphuthego tsa Galatia:
3A bopelotlhomogi bo nne le lona le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rraarona le mo go Morena Jesu Keresete 4yo o ineetseng losong ka ntlha ya dibe tsa rona gore a re falodise mo lefatsheng leno le le bosula ka fa go rateng ga Modimo Rraarona 5yo kgalalelo e leng ya gagwe ka bosenabokhutlo. Amen.
Moapostolo o gakgamalela tlhanogo ya Bagalatia, ka ba ineetse ba thuto e sele ka bonako
6Ke gakgametse ka gore ene yo o lo biditseng ka bopelothomogi jwa ga Keresete, lo mo hularetse ka bonako, lwa ineela Efangele e sele, 7etswe go se e sele, e le fela ka gore go na le bangwe ba ba lo huduang, ba rata go fetola Efangele ya ga Keresete. 8Mme le fa rona gongwe moengele yo o tswang kwa legodimong a ka lo rerela Efangele e sele e e ganetsanyang le e re e lo reretseng, a a hutsege! 9Le jaanong ke bua gape jaaka ke buile pele ka re: Fa mongwe a ka lo rerela Efangele e sele e e ganetsanyang le e lo e amogetseng, a a hutsege!
10Fa ke re jalo, a ke batla lorato lwa batho gongwe lwa Modimo? A kampo ke batla go kgatlha batho? Kana fa nka bo ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo ke se motlhanka wa ga Keresete.
Paulo ga a ka a rutwa ke batho, o rutilwe ke Morena
11Bakaulengwe, ke lo itsise gore Efangele e e rerilweng ke nna ga se ya motho. 12E bile ga ke a e amogela mo mothong, le e seng go e rutwa ke ope, mme ke ka go e senolelwa ke Jesu Keresete.
13Kana lo utlwile ka ga tsamao ya me ya pele mo thutong ya Bajuta gore ke ne ke bogisa phuthego ya Modimo gagolo thata thata, ke e senya; 14ka ba ka tswelela pele mo Sejuteng go feta balekane ba le bantsi ba morafe wa ga etsho, ka go re thuto e re e neetsweng ke borraetsho ke ne ke e tlhoafaletse mo go fetisang.
15Mme e rile go kgatlha Modimo o o ntlhaotseng go tswa mmeleng wa ga mmê, wa mpitsa ka bopelotlhomogi jwa ona; 16ya re go o kgatlha go ntshenolela Morwaa-ona gore ke tle ke rere Efangele ya gagwe mo baheitaneng, ka akofa, ka se ka ka gakololana le nama le madi; 17le gona ka se ka ka ya kwa Jerusalema kwa go bone ba e neng e le baapostolo pele ga me, mme ka ya kwa Arabia, ka ba ka boela kwa Damaseko. 18Morago ga moo, ya re go sena go feta dingwaga di le tharo, ka ya kwa Jerusalema go itsanye le Kefa, ka ba ka tlhola nae malatsi a le 15. 19Mme ga ke a ka ka bona baapostolo ba bangwe, fa e se Jakobo, monnaa Morena fela.
20Mme tse ke di lo kwalelang, reetsang, ke supa fa pele ga Modimo gore ga ke ake!
21Morago ga moo ka ya kwa mefameng ya Siria le Kilekia. 22Ke ne ke sa itsege ka sefatlhego mo diphuthegong tsa Jutea tse di mo go Keresete. 23Ba ne ba utlwile fela go twe: “Yo e rileng pele a bo a re bogisa, kajeno o rera tumelo e pele o neng a e senya.” 24Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me.

Currently Selected:

BAGALATIA 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy