YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 20

20
Tsogo ya Morena. Petoro le Johane ba ya kwa phupung ya Morena
(Math. 28:1-10; Mar. 16:1-11; Luka 24:1-12)
1Ka letsatsi la ntlha la beke Maria Magtalena a ya kwa phupung phakela go sa le lefifi, a fitlhela letlapa le tlositswe mo phupung. 2Ke fa a siana, a tla kwa go Simone Petoro le go morutwa yo mongwe yo Jesu a neng a mo rata, a ba raya a re: “Ba tlositse Morena mo lebitleng, mme ga re itse gore ba mmeile kae.”
3Petoro le morutwa yo mongwe ba tloga, ba fitlha kwa lebitleng. 4Ba siana mmogo ka bobedi jwa bone; mme morutwa yo mongwe a sia Petoro, a fitlha pele kwa lebitleng. 5Ya re a inama, a fitlhela masela a letseta a beilwe fa fatshe, mme a se ka a tsena. 6Jaanong Simone Petoro a tla, a mo setse morago, a tsena mo lebitleng, a bona masela a beilwe fa fatshe. 7Lesela le le neng le le mo tlhogong ya gagwe le ne le sa bewa le masela a mangwe, mme le phuthilwe go sele fa thoko. 8Foo morutwa yo mongwe yo o fitlhileng pele fa lebitleng le ene a tsena, a bona, a ba a dumela; 9gonne ba ne ba ise ba itse Lokwalo lo lo reng: “O tshwanetse go tsoga mo baswing.” 10Jaanong barutwa ba boela kwa gae.
Jesu o iponatsa go Maria Magtalena
11Maria a bo a eme fa ntle ga lebitla a lela; ya re a ntse a lela, a inama, a okomela mo lebitleng, 12a bona baengele ba le babedi ba ba apereng bosweu, ba ntse mongwe fa tlhogong, yo mongwe fa dinaong, fa serepa sa ga Jesu se neng se letse teng. 13Bao ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelelang?”
A ba fetola a re: “Ke ka gonne ba tlositse Morena wa me, mme ga ke itse gore ba mmeile kae.”
14Ya re a sena go bua jalo, a retologa, a bona Jesu a eme, mme a sa itse gore ke Jesu. 15Jesu a mo raya a re: “Mosadi, o lelelang? O batla mang?”
Ene a gopola gore ke molemi wa tshimo, a mo raya a re: “Morena, a e re fa e le wena yo o mo tlositseng, o mpolelele gore o mmeile kae, mme ke tla ya go mo tlosa.” 16Jesu a mo raya a re: “Maria!”
Maria a retologa, a mo raya ka Sehebere a re: “Rabuni!” (ke go re: “Moruti wa me.”)
17Jesu a mo raya a re: “Se nkame; gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rre; tsamaya, o ye kwa go bana ba ga Rre, o ba ree o re: ‘Ke tlhatlogela kwa go Rre yo e leng le Rraeno, kwa Modimong wa me o e leng le Modimo wa lona.’ ”
18Maria Magtalena a ya a bolelela barutwa a re: “Ke bonye Morena!” le tse a di mo laetseng.
Jesu o iponatsa go barutwa ba gagwe
(Mar. 16:14-18; Luka 24:36-49)
19E rile ka maabanyane a lone letsatsi leo, e le la ntlha la beke, mejako ya kwa barutwa ba neng ba phuthegetse teng e tswetswe ka ntlha ya go boifa Bajuta, Jesu a tla a ema mo gare ga bone, a ba raya a re: “A kagiso e nne le lona!” 20Ya re a sena go bua jalo, a ba bontsha diatla le letlhakore. Ya baa gona barutwa ba itumelang, ka ba bona Morena. 21Jesu a ba raya gape a re: “A kagiso e nne le lona! Ke a lo roma, jaaka Rara a nthomile.” 22Ya re a sena go bua jalo, a ba budulela, a ba raya a re: “Amogelang Mowa o o Boitshepo! 23Ba lo ba itshwarelang dibe tsa bone ba di itshwaretswe; mme ba lo ba balelang dibe tsa bone ba di baletswe.”
Jesu o iponatsa gape barutweng
24Thomase mongwe wa ba ba 12, yo o bidiwang Lefatlha, o ne a se na nabo, fa Jesu a tla. 25Jaanong barutwa ba bangwe ba mo raya ba re: “Re bonye Morena.”
Ene a ba raya a re: “Fa ke sa bone dipadi tsa dimapo tsa tshipi mo diatleng tsa gagwe, le go tsenya monwana wa me mo dipading tsa dimapo, ka ba ka tsenya seatla sa me mo letlhakoreng la gagwe, ga nka ke ka dumela.”
26Ya re morago ga malatsi a a robedi barutwa ba gagwe ba bo ba le mo teng gape, le ene Thomase a na nabo. Jesu a tla gape, mejako e tswetswe, a ema mo gare a re: “A kagiso e nne le lona!” 27A ba a raya Thomase a re: “Ntshetsa monwana wa gago kwano, o lebe diatla tsa me; o ntshetse seatla sa gago kwano, o se tsenye mo letlhakoreng la me; o se nne yo o sa dumeleng, mme o nne yo o dumelang.”
28Thomase a mo araba a re: “Morena wa me le Modimo wa me!”
29Jesu a mo raya a re: “Thomase, o dumetse, ka o mponye. Go sego ba ba dumetseng, le fa ba sa bona.”
Lokwalo lo lo tsosa tumelo
30Jesu o dirile ditshupo tse dintsi tse dingwe fa pele ga barutwa ba gagwe tse di sa kwalwang mo lokwalong lo. 31Mme tse, di kwadilwe gore lo dumele, fa Jesu e le Keresete, Morwa Modimo, mme ka go dumela lo bone bophelo ka leina la gagwe.

Currently Selected:

JOHANE 20: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy