YouVersion Logo
Search Icon

2 TIMOTHEO 1

1
Tumediso
1Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo ka fa tsholofetsong ya botshelo jo bo mo go Keresete Jesu, 2ke kwalela Timotheo, ngwanake yo o rategang:
A bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu Morena wa rona di nne le wena!
Lorato lwa ga Paulo lwa go rata Timotheo
3Ke leboga Modimo o ke sa leng ke o direla go tloga mo go borre ka segakolodi se se itshekileng. Ke ntse ke go gopotse ka gale mo merapelong ya me bosigo le motshegare. 4Ke tlhologeletswe go go bona, fa ke gopola dikeledi tsa gago, gore ke tle ke tladiwe boitumelo. 5Ke gakologelwa tumelo ya gago e e se nang boitimokanyo, e e rileng pele ya bo e agile mo go mmaago-mogolo Loise le mo go mmaago Onika, mme ke dumela gore le mo go wena e teng. 6Ka ntlha ya moo ke go gakolola gore o kgotetse neo ya Modimo gape e e mo go wena ka peo ya diatla tsa me. 7Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa boboi, mme e le wa thata le wa lorato le wa boitshwaro.
8Ka moo o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya tshupo ya go supa ka ga Morena wa rona, le fa e le nna, ke le mogolegwi wa gagwe, mme o bogele Efangele mmogo le nna ka fa thateng ya Modimo 9o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo, 10mme jo jaanong bo senotsweng ka iponatso ya ga Keresete Jesu, Mogolodi wa rona, yo o nyeleditseng loso, a baya bophelo le bosasweng mo leseding ka Efangele 11e ke e beetsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo le moruti wa baheitane. 12Ke ka ntlha ya moo ke bogang dilo tseo, mme ga ke tlhajwe ke ditlhong; gonne ke itse yo ke dumetseng mo go ene, ke bile ke itse ka tlhomamo gore o nonofile go boloka se ke se neetsweng go fitlha mo letsatsing leo. 13Sekao sa mafoko a a itekanetseng a o a utlwileng mo go nna, o se tshegetse mo tumelong le mo loratong lo lo mo go Keresete Jesu. 14Neo e e molemo e o e neetsweng o e boloke ka Mowa o o Boitshepo o o agileng mo go rona.
15Kana o itse gore batho botlhe ba kwa Asia ba nkhularetse, ba Figelo le Heremogene e leng bangwe ba bone. 16A Morena a utlwele ba ntlo ya ga Onesiforo botlhoko; gonne o ntsitsibositse gantsi, mme a se ka a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya keetane e e mpofileng. 17Mme e rile a fitlha kwa Roma, a mpatla ka tlhoafalo, a ba a mpona. 18A Morena a mo nee go bona boutlwelo-botlhoko mo Moreneng ka letsatsi leo. Mme dilo tse dintsi tse a di ntiretseng kwa Efeso, ò di itse sentle thata.

Currently Selected:

2 TIMOTHEO 1: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy