Timotheo I 2:8-10
Timotheo I 2:8-10 LEF
Jalo ke batla banna gongwe le gongwe go rapela ka mabogo a a itshekileng a tsholeleditswe kwa Modimong, ba golotswe mo sebeng le mo bogaleng le mo kgannyeng. Mme le basadi fela jalo, ba didimetse, ba le botlhale ka go itshwara sentle le ka go apara. Bakeresete ba basadi ba tshwanetse go bonwa ka tshiamo le molemo, e seng ka mokgwa o ba iphorang moriri ka one kgotsa ka ntlha ya dibaga tsa bone kgotsa diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo.





