1
PESALEMA 95:6-7
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
A ko lo tleng, re obame, re iname; a re khubameng fa pele ga Jehofa mmopi wa rona: gonne ke ene Modimo wa rona, mme rona re batho ba bofulo jwa one, le dinku tsa seatla sa one. A bo gompieno lo ka ka lwa utlwa lentswe la one!
Compare
Explore PESALEMA 95:6-7
2
PESALEMA 95:1-2
A ko lo tleng re opeleleng Jehofa; a re tsheleleng lefika la poloko ya rona lešoa la boitumelo. A re ke re tleng fa pele ga sefatlhogo sa gagwe ka tebogo; a re mo tsheleleng lešoa la boitumelo ka dipesalema.
Explore PESALEMA 95:1-2
3
PESALEMA 95:3
Gonne Jehofa ke Modimo o Mogolo, le Kgosi e kgolo godimo ga medimo yotlhe.
Explore PESALEMA 95:3
4
PESALEMA 95:4
Mo seatleng sa gagwe go mafelo a a boteng a lefatshe; ditlhora tsa dithaba, le tsone, ke tsa gagwe.
Explore PESALEMA 95:4