1
LEFITIKO 19:18
BAEBELE e e Boitshepo
TSW08NO
O se ka wa ipusolosetsa, le fa e le go nna ka pelo e e bosula ka ga bana ba batho ba gaeno; o rate wa gaeno jaaka o ithata; ke nna Jehofa.
Compare
Explore LEFITIKO 19:18
2
LEFITIKO 19:28
Lo se ka lwa itshegakela baswi mebele ya lona, le fa e le go ikwala mmele ka gope, ke nna Jehofa.
Explore LEFITIKO 19:28
3
LEFITIKO 19:2
“Bua le phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele, o ba reye o re: Lo tlaa nna boitshepo, gonne nna Jehofa Modimo wa lona ke boitshepo.
Explore LEFITIKO 19:2
4
LEFITIKO 19:17
“O se ka wa ila morwa rraago mo pelong ya gago; ruri go kgalemela wa gaeno, o tlaa mo kgalemela, o bo o sa rwale boleo ka ntlha ya gagwe.
Explore LEFITIKO 19:17
5
LEFITIKO 19:31
“Se fapogeleng kwa go bone ba ba buang le badimo, le fa e le kwa go bone ba ba loang; lo se ka lwa ba batla go tla lo itshekololwa ke bone; ke nna Jehofa Modimo wa lona.
Explore LEFITIKO 19:31
6
LEFITIKO 19:16
O se ka wa tsamaya tsamaya mo bathong ba gaeno o le motsamaisi wa ditshebo, le gone o se ka wa tsenya botshelo jwa wa gaeno mo pitlaganong; ke nna Jehofa.
Explore LEFITIKO 19:16