Gonne ke ne ke tlhajwa ke ditlhong go ka kopa mophato wa batlhabani le bapalami ba dipitse mo kgosing gore ba re thuse ka go tlhabana le mmaba mo tseleng, ka re ne re reile kgosi ra re: “Letsogo la Modimo wa rona le okametse botlhe ba ba o batlang go ba direla molemo, mme thata ya ona le bogale jwa ona di wela botlhe ba ba o tlogelang.” Ra itima dijo jalo, ra kopa tseo mo Modimong wa rona, mme wa re utlwa.