Jaanong MORENA a feta fa pele ga gagwe, a kua a re: “MORENA! MORENA! Ke Modimo o o boutlwelo-botlhoko le boitshwarelo, o o sa feleng pelo, o o letlotlo la bopelotlhomogi le boikanyego; o o bolokelang ba le dikete bopelotlhomogi; o o itshwarelang molato le tlolo le boleo, mme o sa lese ope fela o sa mmetse, mme o beletsa bana le bana ba bana tshiamololo ya borraabo go ya losikeng lwa boraro le lwa bone.”