1
Tito 1:16
Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha
LEF
Batho ba ba ntseng jalo gantsi ba re ba itse Modimo, mme ka go bona ka fa ba itsayang ka teng, ba lemogwa gore ga ba o itse. Ba bodile ebile ga ba laolesege, ba tlhobosegile mo ba se kakeng ba dira tiro epe e e molemo.
Compare
Explore Tito 1:16
2
Tito 1:15
Motho yo o pelo e itshekileng o bona bomolemo le bophepa mo go sengwe le sengwe; mme motho yo pelo ya gagwe e bosula ebile e sa ikanyege o bona bosula mo go sengwe le sengwe, gonne mogopolo wa gagwe o o leswe le pelo ya gagwe e e tsogologelang, di baya dilo tsotlhe tse a di bonang le tse a di utlwang mmala o e seng one.
Explore Tito 1:15
3
Tito 1:9
Go dumela ga bone mo boammaaruring jo ba bo rutilweng go nonofe go bo go nitame, gore ba tle ba kgone go go ruta ba bangwe le go kaela ba ba sa dumalaneng nabo mo ba leng phoso teng.
Explore Tito 1:9
4
Tito 1:7-8
Baruti ba, ba tshwanetse ba bo ba le banna ba matshelo a a senang molato gonne ke badiredi ba Modimo. Ba se ka ba nna boikgodiso kgotsa pelo-dikhutshwane; ba se ka ba nna matagwa kgotsa batho ba ba ratang ntwa kgotsa ba ba ratang madi. Ba tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo matlung a bone le go rata gotlhe mo go molemo. Ba tshwanetse go nna banna ba ba nang le ditlhaloganyo tse di itekanetseng, ebile ba sa patike. Ba tshwanetse go nna le megopolo e e lekalekanyeng e e phepha.
Explore Tito 1:7-8
5
Tito 1:6
Banna ba o ba tlhophang, ba tshwanetse ba bo ba itsege ka mekgwa e mentle; mongwe le mongwe o tshwanetse a bo a na le mosadi a le mongwe le bana ba bone ba tshwanetse go rata Morena le gone ga ba a tshwanela go itsege ka bosula kgotsa ka go sa reetseng batsadi ba bone.
Explore Tito 1:6